31/08/2026
Hello, Motswana WOMAN!
Ntira anon hoo motsadi wame. Let me respond to post ya mme yo gakololang bo mme gre ba ska ima ka gre monna ke ene a batlang ngwana, Motswana woman o mpone ke ima gape o mpolaye ke ile ka ima last year monna ke fa a itirile jeso a mpolelela gre ngwana ke a gift from God, a bua bo gre ga ke gane o ne o sa plenna go ima mme ke seka ka tsenwa ke stress or ka akanya gre ke dire abortion, fa go ntse go ya communication ya simolola go fokotsega a kgona go nteletsa after 1 week le madi a mpha go ratile ene, ke ne ka seka ka itepeletsa ke ha ke mo thokomologa ke itirela di piece job ke kgobokanyetsa gift from God. Fa ke le mo di kgweding tsa bohelo tsone ke fa a ntshokodisa ngwana wa mosadi yole stress se ntheng ka ha BP le yone weight le ko tlase midwife a nna ka go ngongorega gre botsogo jwa me ga bo mo seemong se se siameng ke nna ka go robatswa ko Masunga Hospital or Nyangagbwe. Ke ne ka nna motsetsi gift from God e 3 months rre yole o ne a ntsha only 600p are ke rekele ngwana melemo, diaparo, toiletries abo ke reka le dijo mo teng ke ha e kare o ikgatha ka nna, now ke di bonwa ke nna ke le nosi le go letsa ga a letse or fa ke mo kopa madi gre ke kgone go rekela ngwana dilwana o nna ka di excuse or are ke tla go sendela madi kgantele e tla bo e nna gone gothe fa ke letsa gaa arabe jaaka ke go kwalela jaana ngwana ga gona sepe se se leng teng diaparo tse ke neng ke di rekile di a thama ga kena dijo sale ka ke jile maabane motshegare today ga ise ke je sepe mme ke a amusa ke tsewa ke sedidi.
Bo mme a re reetseng dikgakololo tsa bo mme ka rona fa ba re gakolola please ke a le kopa. O seka ima ka gre o batla go tshwara monna ka ngwana a re ithateng bo mme, re dirise prevention go thata nowadays imagine o le motsetsi jaaka nna ngwana a sena metseto, diaparo, molora yo o thapang, vaseline nd nna le nna ke sena dijo jaana mme ke amusa, nd ngwana wa mosimane kana wa ja, are ithokomeleng bo mme please please