Nkgege ya poko

Nkgege ya poko Contact information, map and directions, contact form, opening hours, services, ratings, photos, videos and announcements from Nkgege ya poko, Poet, 33ext30biesivlsi ltekeng location, Lichtenburg.

Leg*e la me🏠🥺❤️Go nyelela 'tsatsi feela ka utlwa go nkutlwalela🥺go katoga 'g*e metsotsonyana ka utlwa go mpalela😌ka gopo...
11/10/2025

Leg*e la me🏠🥺❤️

Go nyelela 'tsatsi feela ka utlwa go nkutlwalela🥺
go katoga 'g*e metsotsonyana ka utlwa go mpalela😌
ka gopola g*e🏠Leg*e kwa ke tswang🥺
mogopola wa Ina naga,ka hutsafala😑
Pelo le maikutlo di ipatlela g*e❤️

Fatsheng,felong la Itekeng kwa re itekang diteko di senang tekano😊❤️
ka nagana go boela g*e Itekeng,ke ye go iteka gape🥰
ke itekele go nna le boitekanelo gape😊❤️

'Rato ke go ratang ka lone ga le na tekano ❤️
'g*e la me tlhe ke a go rata,o a ratega,o rategile❤️
o monnye Mme o phuthetse go tlala seatla🥰
o leg*e la batho ba batletseng boiteko🥺
Itekeng o 'g*e lame❤️O g*e la Rona😊🥺❤️

go ya go ile

24/09/2025

ngwao boswa😊❤️

Batswana weeee,batswana le kae??🥺
tlhagelelang kwano le tlhagelele ka matlhagatlhaga🫂❤️
le utlwe 'kgarebe ya motswana e tlotlomatsa setswana❤️
setswana sa g*etsho,setswana sa bagologolo🔥❤️

monate wa go nna motswana😊
monate wa go itsi setswana 🥺
setswana weeee😭❤️
puo ya setswana,'puo re antse letseleng🫂❤️

ipele phetelelo motswana🥺
tlotlang tlotlomatsang Setso sa Lona❤️
ipeleng ka segarona ngwao boswa😊
batswana tshwarang thata setswana se seka sa nyelela❤️

heritage to u all

🙏🥺❤️
21/09/2025

🙏🥺❤️

❤️🙏

19/09/2025

ke bone go ntshwanetse🥺

ke bone go ntshwanetse goitsi gore ke mang 🥺Ke batla eng,ke tshwanetswe ke eng🥺❤️
ke bone go le matshwanedi go amogela gore tsala e le teng e seo 'tshelo bo gatela Pele🥺
Ee 'tshika e le teng e seo 'tshelo bo gatela Pele🥺❤️
tota go ntshwanetse go ithuta go amogela seemo sengwe le sengwe🥺

kana selo se kamogelo ke kimologo🤍
selo se kamogelo ke pholo❤️
selo se kamogelo ke phenyo🥺
selo se kamogelo ke tshiamiso🫂

'gare ga 'puo tsa batho se lele ekete ke bone ba go phedisang🥺❤️
tota le fa ba ka go leba le leitlho la kilo,se itshekise gatela Pele🥺❤️
phimola 'keledi,se hutsafale gatela pele ❤️
ipolelele gore o ithutile gatela Pele🥺
kana kgatelopele e bontsha kamogelo e nonofileng🫂🥺❤️

go ya go ile

01/09/2025

Rata Setso sa Gago Mme o se tlhoe sa ga ope🫂🥺❤️

month

09/08/2025

Phatwe🥺😔😏

Ka kukega maikutlo ka tlhomoga pelo💔
Phatwe kgwedi e nkgagolang maikutlo💔😌
Kgwedi e ilwang ke batho botlhe🥺😌
Ere go goroga ke utlwe sebete go feroga🥵🥺

O pelo e bohula o bosula🥺
Bomantshese o re sotlaka setlhogo😔💔
Re phaphaulwa ke Phefo e'ete re dipampiri 📃
O ikgatlha ka o itsi gore ha Rena maitsetsepelo😌💔🥺
O re bataganya ka mpa ya sebete re be metlhwa ke lerole🥺😌
Tshotlo o re e sotlang e tlhomola Pelo💔🥺

Dikgwedi ke dikgwedi ka boikobo🥺💔
Wena o goroga ka go senya le go senyeletsa😔
Ga o na monate ope wa sulafalela😏🥺
Le metsamao re tsamayang ya sulafalela🥺💔
Gao tenegile re itswalela matlong ekete re batsetsi😌💔

Motho ke wena o leswe o rata leswe🥵💔
Phatwe ore Dira leswe o re di phedisa ka leswe🥺💔
Malatsi tsamaya🥺💔Dibeke tsamaya😌💔
Nako tsamaya hle phatwe a itsamaele ka Kagiso 🥺
Re ikhutsetse leswe🥺lerole go tlholo re setlafetse😔😌🥺💔

go ya go ile

Sethakga sa poko 🎤🎶🥺😊❤️
23/07/2025

Sethakga sa poko 🎤🎶🥺😊❤️

Address

33ext30biesivlsi Ltekeng Location
Lichtenburg

Website

Alerts

Be the first to know and let us send you an email when Nkgege ya poko posts news and promotions. Your email address will not be used for any other purpose, and you can unsubscribe at any time.

Share

Category