Pitsokgolo De Poet

Pitsokgolo De Poet A Tswana Poet Musician

KTHUTO KA SEADIMOSe re se bitsang KgwanyapeKGWANYAPE KE ENG?▪️Kgwanyape ke mowa o dikologang ka thata Potso ke gore lein...
10/08/2026

KTHUTO KA SEADIMO

Se re se bitsang Kgwanyape

KGWANYAPE KE ENG?
▪️Kgwanyape ke mowa o dikologang ka thata

Potso ke gore leina Kgwanyape le tswa kae?
▪️Le tswa mo "KGWANYA" =Go pitika kgotsa go dikologa

💎KA GORE E PITIKA PITIKA JAAKA NOGA GA E TSAMAYA

DITSHUPO TSA KGWANYAPE
▪️E bonala e le lerole ga se mosi ga se maru
▪️E a dikologa e dira sediko
▪️E tlhaga mo masimong le mo makgwakgweng
▪️Ga e nne lebaka le le leele

GO YA KA BAGOLO KE ENG?
▪️E a bo e romilwe, ga etle ka bo yone e ka romiwa ke moloi kgotsa badimo
▪️E na le sephiri :Fa e feta mo lapeng la gago go raya gore go na le se se tla diragalang
▪️O seka wa e kgala ga o e kgala e a go galefela

RE TSHWANETSE GO DIRA ENG GA RE E BONA

▪️O e leletse molodi o mogolo
▪️O Seka wa e kgala ,o seka ware tsweetswee
▪️O sireletse bana ba seka ba e Sala morago

DITHIBELO TSE DINGWE TSA BAGOLO

▪️O se ka wa e supa ka monwana
▪️Bana ba bannye ba se ka ba e Sala morago e ka tloga ya ba isa kwa thabeng
▪️Fa e tsena mo ntlong bula dijako gore etle etswe ka pela
▪️Fa e fela leba gore e feletse fa kae .Ba ne bare ga eya kwa ntlong ya mongwe k gone kwa go tla nnang le mathata teng

SE SENGWE SE O KA SE ITISING K GORE SEADIMO/KGWANYAPE

GA E KGONE GO TSAYA MOTHO

E NA LE THATA YA GO TLHATLOSA
▪️Matlakala
▪️Mmu
▪️Dipolasetiki
▪️Lerole le matlhare

THUTO E E NENG BAGOLO BA BATLA GO E RUTA BANA BARE KGWANYAPE E TSAYA BATHO KE GO ;

▪️Ba sireletsa gore ba se ka ba e Sala morago e kotsi
▪️Gore ba tlotle tlholego
▪️Gore e re ba e bona ba tsene mo ntlong

BAGOLO BA NE BA SA BUE MAKA ,BA NE BA BATLA GO BABALELA BANA KA TSELA E BA NENG BA E ITSI KA YONE NAKO EO

Fa o bona Kgwanyape gompieno se ke se o se dirang;
▪️Ema o e leletse molodi e fete

07/08/2026

Ke Pitse malapolosa maota
Pitsokgolo De Poet
78 261 315

04/08/2026

Shosho ruri tlhe nkele ditshabeng
Pitsokgolo De Poet
78 261 315

NGWEDISE BOGOLOGOLO BA NENG BA SE BUA KA NGWEDI ▪️Ba ne ba itsi ngwedi thata ba sa o bone e le lesedi fela ,ba ne ba bon...
02/08/2026

NGWEDI

SE BOGOLOGOLO BA NENG BA SE BUA KA NGWEDI

▪️Ba ne ba itsi ngwedi thata ba sa o bone e le lesedi fela ,ba ne ba bona e le masupatsela

1.NGWEDI KE MOLEBELEDI WA BOSIGO
▪️Ba ne bare ngwedi o a tlhokomela
Ba ne ba dumela gore fa letsatsi le dikela ,ke ngwedi o lebelelang lefatshe.Fa o tletse go raya gore bosigo e tla nna bo bo iketlileng

2.NGWEDI O NE O LAOLA NAKO YA TIRO

▪️FA O LE MOSHA
E ne e le nako ya go lema kana go jala

▪️FA O TLETSE
E ne e le nako ya meletlo ,dipina le go ralala

▪️FA O SETSE O WELE
E ne e le nako ya go phomola le go loga maano

3.DITHUTO TSA BANA KA NGWEDI
▪️Bagolo ba ne ba Raya bana bare."O seka wa supa ngwedi ka monwana o tla go loma

E NE E SE GORE O NE O LOMA RURI,E NE E LE TSELA YA GO RUTA BANA GO TLHOMPHA TLHAGO

Ba ne ba supa gore ngwedi le letsatsi e ne e le bakaulengwe ,Modimo a ba kgaoganya gore mongwe a bereke motshegare mongwe bosigo jaaka ba sa kopane

NGWEDI KE BOTSHELO JWA LETSATSI LE LETSATSI
▪️Basadi ba ne ba bala dikgwedi ka ngwedi
Fa o tletse go ne go kaiwa gore k nako ya ditoro tse di tlhagafalang le megopolo e mentsi

💎BOGOLOGOLO BA NE BA BONA NGWEDI E LE MOTHUSI ,MORUTI,MASUPATSELA LE TLHALOSI YA BOPHELO

28/07/2026

🎤Pitsokgolo De Poet
PELO E JA SERATI♥️♥️

SENEPE SE SE RE BONTSHA NGWA YA DINOTSHI TSA SETSWANA TSE DI ITSHWARELETSENG MMOGO POTSO KE GORE NGWA KE ENG▪️Ngwa ke fa...
27/07/2026

SENEPE SE SE RE BONTSHA NGWA YA DINOTSHI TSA SETSWANA TSE DI ITSHWARELETSENG MMOGO

POTSO KE GORE NGWA KE ENG
▪️Ngwa ke fa dinotshe di phuthegelang teng di sa ntse di senka kwa di ka nnang teng

1.DINOTSHI KE ENG?
▪️Dinotshi ke ditshidi tse dinnye tse di nang le maphego/diphoka

DI TSHELA YANG
▪️Di nna ka setlhopha se se eteletsweng pele ke kgosigadi e le nngwe e re bitsang Mmadinotshi
▪️Di dira mmogo jaaka batho ba motse mongwe le mongwe o na le tiro ya gagwe
▪️Di gama mo dithunyeng kgotsa di ja lerole la dipeo

FA O BONA DI ITSHWARELETSE JAANA GO RAYA GORE DI BATLA LOGAE LE LESHA

2.MAMEPE KE ENG?
▪️Mamepe ke mashabi a dinotshi

Dinotshi di gama mo dithunyeng di bo di fetola di boloka mo mekoting ya boka ,Se na ke sone se re se bitsang mamepe

MAMEPE A THUSA KA ENG

▪️MORIANA :A thusa go baakanya lentswe gongwe o a go opela
▪️MADI:Re a rekisa mme a re thusa
▪️DIJO:A jewa, bangwe ba tsenya mo teeng kgotsa mo bogobeng

♥️BAGOLO BARE MAMEPE KE MPHO YA MODIMO MO BATHONG

DINOTSHI KE DITSALA TSA BALIMI BARUI LE RONA ROTLHE

Di re thusa gape ka go tsya lerole le le mo sethunyeng di le isa ko go se sengwe
Fa lerole leo le kopana dijo di a tswa

KE KA MOO mabele a gago,magapu,le Dinawa di tlhogang di na le ditholwana

▪️Di phuthegetse fa go sireletsa kgosigadi ya tsone ,ga di bolaiwe ke tsone tse di re thusang go tlhaga ga dijo gape di re fa mamepe

SE SENGWE GAPE SE O KA SE ITSING KA DINOTSHI KE GORE FA O DI TSHWENYA

DI A GO LOMANotshi e na le motsu mo mpeng ya yone Fa e go tlhaba e a swa gonne lobolela le Sala mo letlalong la gago

♥️FA O TSHWENYA E LE NNGWE, E NTSHA MONKO WA KOTSI GA TSE DINGWE DI O UTLWA DI A GO TLHASELA

POTSO KE GORE FA E GO LOMILE O KA IRA YANG
▪️Ntsha lobolela ka bonako
▪️Tlhapisa ka metsi le sesepa

TSIBOSO
▪️O Seka wa di atamela o di tshwenya bitsa o o itsing go di tshwara

💎BAGOLOGOLO BANE BA DUMELA GORE GA O BONA DINOTSHI TSE DINTSI ITSI GORE LEFATSHE LE PHETSE P**A GO TLA NA E SIAMENG

KGANKGOLO KE THOKOLOSIBATHO BA DUMELA GORE FA O RUILE THOKOLOSI E A GO HUMISA Potso ke gore yang?1.E UTSWELA BATHOGo ne ...
25/07/2026

KGANKGOLO KE THOKOLOSI

BATHO BA DUMELA GORE FA O RUILE THOKOLOSI E A GO HUMISA

Potso ke gore yang?

1.E UTSWELA BATHO
Go ne go dumela gore monnga thokolosi o e romela bosigo,E a go utswa madi ,dijo ,diaparo le dipholo kwa ga batho ba bangwe.Morago e di isa kwa go mong wa yone,Ka jalo mong wa yone o ne a bonala a humile ka bonako

2.SEPHIRI
Batho ba ba neng ba ruile thokolosi ba ne ba sa bolelele ope.BA NE BA E FITLHA

Mme le fa go ntse yalo e na le ditlamorago

Bagolo bane bare ga se selo se se siameng

3.DITLAMORAGO

▪️Thokolosi e ka go tlhanogela ya ja wna
▪️E ka tlisa malwetse le mathata mo lapeng
▪️Fa o tlhokafala e ka Sala e tshwenya bana ba ggo

KE KA MOO BANE BARE MADI A BONOLO GA A NA TSHEGOFATSO

MAIKUTLO A NGWAO

Mo ngwaong ya setswana go huma ka tsela e e siameng go ne go le botlhokwa thata .Go ne gotwe o tshwanetse go dira ka thata ,go lema le go thusana .Dilo tsa boselamose di ne di bonwa e le tsa go senya setshaba

SEPOKO KE ENG?Mo ngwaong ya setswana ,sepoko k moya wa motho yo o tlhokafetseng  oo sa bonweng ka matlho.Gantsi se bonal...
24/07/2026

SEPOKO KE ENG?

Mo ngwaong ya setswana ,sepoko k moya wa motho yo o tlhokafetseng oo sa bonweng ka matlho.Gantsi se bonala bosigo jaaka seriti se sesweu ,se se tshosang.Ga se sa tlhola se na le mmele k mowa fla

SE BONALA KAE?

1.Fa thoko ga matlo a a tlhaga jaaka mo setswantshong gantsi se bonala fa batho ba tlhokafaletseng teng

2.Fa batho ba bolaetsweng teng kana ba sa fitlhwang sentle

3. Mo ditseleng tsa bosigo,se kgoreletsa batsamai

KE ENG SE TSHOSA

Batswana ba dumela gore sepoko se tla ka mabaka a le mabedi

1.Go sa fitlhwa sentle:Fa motho a sa bolokwa ka ngwao,mowa wa gagwe o a kgarakgatshega

2.Molaetsa:Se ka tla go tlhagisa batho ka sengwe se se maswe se se tla diragalang

3.Go sa ikwatlhaya:Fa motho a tlhokafetse a na le dikgopisego kana a dirilwe bosula

O KA ITSHIRELETSA YANG?

1.Thapelo:Badimo le modimo ba a sireletsa
2.Lesedi:Sepoko ga se rate lesedi se bonala bosigo
3.Fitlha batho sentle:Fa re fitlha baswi ka ngwao mewa ya bone etla iketla

THUTO

💎Fa o bona dilo tse di tshosang botsa bagolo gantsi k tlhagiso ya gago gore o itlhokomele o rapele kana o siamise sengwe mo botshelong jwa gago

Setshwantsho se se bontsha karolo e e botlhokwa ya ngwao le botshelo jwa setswana, segolo bogolo kwa magaeng 1.SEDIBA MO...
22/07/2026

Setshwantsho se se bontsha karolo e e botlhokwa ya ngwao le botshelo jwa setswana, segolo bogolo kwa magaeng

1.SEDIBA MO NGWAONG YA SETSWANA

Sediba ke pelo ya motse,mo malatsing a pele ,pele ga dipompo le dithepe ,Sediba e ne ele lone lofelo le batho ba bonang metsi mo go lone

2.KE MANG YO O GANG METSI

Mo ngwaong basimane le borre ke bone ba ba gang metsi
Basetsana le bomme le bone ba aga mme gantsi bone ba rwala dikgong mo tlhogong

BANA BA RUTWA GO GA METSI GO TSWA BONYENYANENG KE TIRO E E RUTANG BOIKARABELO

Jaaka o bona mo setswantshong mosimane yoo o apere tshirt ya segompieno ,se Supa gore ngwao e santse e tshela le mo ngwaong ya gompieno

3.SEDIBA E NE E SE SA METSI FLA ke lefelo la dikganglefelo la go rutanaselekanyo sa botshelo

21/07/2026

Phara sephara

Address

1401
Gaborone

Website

Alerts

Be the first to know and let us send you an email when Pitsokgolo De Poet posts news and promotions. Your email address will not be used for any other purpose, and you can unsubscribe at any time.

Shortcuts

Share

Category