03/03/2025
DILO KE DI ITIRILE
08
Lesego a nyenya a itse gore o goditse molelo a tima mogala.
Isaac a itidimalela ka a ne a lemoga gore wa mmenyana o batla go ba tlhoboganya. A lemoga gore a itlhokomele eseng jalo o tla raga thokolo pele fa bosa…
E rile le tlhaba Lesego a boela kwa monneng o le, a ga se nka go thusa. A ba fitlhela bo mpopi fa a tsena ba ethimola thata. Rapodi o kile a re o ba dira jaana ba pala. “Mme wei, kiing bana ba huthola ba ubona?” Gakeitse rra, a ga se perfume yame? Lesego a ipoletsa. O batla en kumpieno?
Lesego: Kana ke paletswe ke go kgona kgang ya rre o neng ke tshwanetse go huhumela dikobo le ene. E rile a tsena fela ebo ke sa itlhaloganye ga ke phaphama ke itlhela a seo?
Rapodi a ntsha didirisiwa tsa gagwe a bua dipuo tsa gagwe.
“ooh, ho ha hu na li mothu o sintseng, ke banna ba ba 2. Ba tshusa dilo tsaaka”.
A tswelela a tlhalosa gore kana jaanong go reela se nneng ba se dirile se senyegile go reela a bitse moeng ole gape a tle go dira kgang ele. Lesego a hunyetsa marago a gopola botlhoko bo le.
“Nna ga ke sa tlhole ke batla lenyalonyana le, ke eletsa gore re ba bolaye botlhe once skaat. Fa re ka simolola ka wa mosetsanyana re tlaabo re berekile”.
Rapodi: Are you serious? Kana ga ke dirolole. Fa ke dirile ke dirile, mosetsana yole wa tsamaya kwa.
A bua a supa kwa godimo.
“Moruti a re o kopa go go bona le tsala ya gago. Kante sentlentle monna go rileng?. Kana a re o go lora o lela cheri wa gago a vaile.”
Isaac le Neo ba wela tsela ba fitlhela Mogolodi le moruti ba ba emetse sentle. Moruti a tswa ka dikgang. A ba bolelela gore go na lekgarejwana le le sa ba batleleng botshelo.
Ba ga Isaac le Neo ba khubama fa fatshe moruti a ba rapelela thata, monna wa Modimo a huhula mo neng metsi a rothegela mo bodilong a setse a dirile morwalela, ‘in Jesus name amen! Never let fear rule you. The great one is around you, banaka le tshutshu le a fisa”.
A ba fa buka ya mafoko a molemo gore ba e bale moso le moso. A kopa gore ba nne mmogo gore a kgone go rapela le bone sentle.
DILO KE DI ITIRILE
08
Lesego a nyenya a itse gore o goditse molelo a tima mogala.
Isaac a itidimalela ka a ne a lemoga gore wa mmenyana o batla go ba tlhoboganya. A lemoga gore a itlhokomele eseng jalo o tla raga thokolo pele fa bosa…
E rile le tlhaba Lesego a boela kwa monneng o le, a ga se nka go thusa. A ba fitlhela bo mpopi fa a tsena ba ethimola thata. Rapodi o kile a re o ba dira jaana ba pala. “Mme wei, kiing bana ba huthola ba ubona?” Gakeitse rra, a ga se perfume yame? Lesego a ipoletsa. O batla en kumpieno?
Lesego: Kana ke paletswe ke go kgona kgang ya rre o neng ke tshwanetse go huhumela dikobo le ene. E rile a tsena fela ebo ke sa itlhaloganye ga ke phaphama ke itlhela a seo?
Rapodi a ntsha didirisiwa tsa gagwe a bua dipuo tsa gagwe.
“ooh, ho ha hu na li mothu o sintseng, ke banna ba ba 2. Ba tshusa dilo tsaaka”.
A tswelela a tlhalosa gore kana jaanong go reela se nneg ba se dirile se senyegile go reela a bitse moeng ole gape a tle go dira kgang ele. Lesego a hunyetsa marago a gopola botlhoko bo le.