George's poem

George's poem Ratla ngwao ya ga lona...ratla setswana...nja dijo tsa setswana.. Bina setswana...o bo o bua setswan

18/03/2020

mogadikana ikgabetse ,o supile bana ka telwane ...itlare ka moso ba go kopa o ba time o re ke masenya

ntlha o gama o ikotelela ...dinamane di go ja menwana,ditshoswane di go ja marago

o tseye mosimama o tlhape ,o na le bati mo senong.🤙

George's poem like my page for more setswana qoute🥰😍

10/03/2020

Ntshwā ga e rotele sedibeng e ntse e itse gore e tla nyorwa.
Ke goletse mo setswaneng ebile ke tla swela mo go sone.

26/08/2019

Setilo sa bogosi ga senwe..
Ga se gatiwe..
Ga se dulwe ke bo esemang?
Se na le thogo
Mong etsho ,wa lefatshe
Mong wa mmu ke o gatileng

25/08/2019

Waitse go bothoko!
Kare le barata-kagiso
Tsatsi-jeno re dirile sente
Re direle mo gotweng
"Re tlhaola marole mo go mmagwe"
Banna lapper side" Basadi lapper side!

25/08/2019

Banyana ba kwa g*e,
Ke raya marobanyana a Tswapong,gatwe ba re ba mpata..
Ke ipotsa gore ba mpata ba ka naya eng ?
Se ba gane ka sone ke le monyenyane ,
Jaanong ke go le bothoko ba bona ke le botoka jaanong

Soka maarn!

25/08/2019

Khudu e nyala morwae!
Moji ene o nyala modidi!
mmitlwa wa noko o rotolwa ke o mongwe.!
Dilo makwati!

*Photi*Mantsirapane wa tlhako di phepaTlhako di phaphasela phefongphologolo e nang le loratoLorato lo lo tletseng tlotlo...
26/04/2019

*Photi*

Mantsirapane wa tlhako di phepa
Tlhako di phaphasela phefong
phologolo e nang le lorato
Lorato lo lo tletseng tlotlo

Mathateng e ka go golola
ka e sireleditse kgosi ya Bangwato
Sereto sa kwa Kgosing
Phologolo e tlotlegileng
E tlotlilwe ke bo -Seretse le Lenyeletse

Fa o palama thaba ya Serowe
o tla bona go tshwantsh*tswe photi
fa o retologa o leba motse
kwa diphupung tsa bogosi
E phaphaletae phologolove tshetlha
E kotame jaaka mokoko gare ga dinamagadi

kwa ntlung ya bogosi
Botlhe ba ikana ka yone
Sejo segolo ke yone
Ntswa kwa ganong e sa tsene
E re go tsena e babe
E babe jaaka pherehere
Ganong e nkga e sa bola

Dumelang Bangwato

24/11/2018

Podile e gakwa ke go phinya...tota re tla reng setswana ga sena bosekelo..

07/11/2018

mogowa-dira,wa di ikgowela!sedibana pele...!ke ka botsa mang? fa e se mabutswapele...gongwe ba karetlhong botho ,mosimane a tshola tse tlharo...a tla a tlhaloganya fa sedibeng go iwa ka tsela...gomitse mang ...? e tlare tsatsi lengwe le ene a latswe ke tlhware...
'SPOEM

12/09/2018

Bojang jwa pitse ke jo bo mo maleng....jo bo kwa nte e swa e bolebile...

01/09/2018

fa e tshotse e le ise e tshikela....
tshega tshikela yone ga e nke e fela monate..'spoem.

Tshetlha mariri..Tshimega ya sekgwa..E re e bopa..Dingwe di iphe naga...
03/08/2018

Tshetlha mariri..
Tshimega ya sekgwa..
E re e bopa..Dingwe di iphe naga...

Address

Dar'k
Gaborone

Telephone

+26776155532

Website

Alerts

Be the first to know and let us send you an email when George's poem posts news and promotions. Your email address will not be used for any other purpose, and you can unsubscribe at any time.

Contact The Establishment

Send a message to George's poem:

Share